University of Pretoria
Phokelelo ya kgaso mo barutwaneng ba Setswana Puo ya Gae Mephato ya 11 le 12
Abstract
dc:description.abstractSetswana: Botlhokwa jwa tiriso ya puo e e kannweng bo gatelelwa ke maitemogelo a a tseneletseng a dingwaga tse di fetang 30 a motlhotlhomisi jaaka morutabana wa Setswana Puo ya Gae. Maitemogelo a a fetang dingwaga di le 25 jaaka motshwai wa Setswana Puo ya Gae, Tlhatlhobo ya Mophato wa 12, gammogo le tekolo ya ditshekatsheko tse di maleba ke tse dingwe tse di ntlhotlheleditseng le go ntshusumetsa go dira tlhotlhomiso e. Dipotso tse di tlhotlheleditseng tlhotlhomiso e, ke gore ‘ke phokelelo efe e kgaso e nang le yona mo puong ya Setswana?’. Potso ya bobedi ke gore ‘a barutwana le barutabana ba kgona go lemoga phokelelo e e leng teng mo mananeong a thelevišene le seyalemowa?’. Tlhotlhomiso e, e dirisitse Tiori ya Setso-Seleago ya ga Lev Vygotsky go tlhotlhomisa ka moo bobegakgang (kgaso), segolobogolo seyalemowa le thelevišene, le barutabana ba nang le phokelelo ka teng fa ba ruta le go ithuta Setswana mo Mephatong ya 11 le 12. Mo tlhotlhomisong e, go dirisitswe Mmeo wa Tlhotlhomiso wa Khwalitatifi. Didiriswa tsa go kokoanya dinewa tse di dirisitsweng mo tlhotlhomisong e, ke dipotsolotso le dipotsotherisano tse di rulagantsweng bontlhabongwe. Go dirisitswe gape le kgatiso ya lenaneo la ‘Sekhutlhwaneng sa dithuto’ mo Motsweding FM, kgatiso ya kgaolo ya terama ya ‘The Queen’ mo thelevišeneng le tepo ya mo phaposiborutelong. Go dirisitswe le kutlo-kgatiso go thusa go fitlhelela tshedimosetso yotlhe. Maikaelelo a tlhotlhomiso e, ke go gatelela botlhokwa jwa go dirisa dipuo tse di maleba le tse di kannweng tsa Bantsho mo dithulaganyong tsa kgaso, mme di ka neelwa barutabana, Lekgotlakgaso la Aforika Borwa, Lefapha la Thuto le bafatlhosi ba serutwa sa Setswana. Maikaelelo a mangwe gape ke go neela PanSALB le batlhami ba dipholisi tshedimosetso ka ga botlhokwa jwa tiriso ya puo e e kannweng. Tlhotlhomiso e, e ka thusa gore go nne le dipuisano tse di tseneletseng tse di malebana le thuto ya dipuo le ditlamorago tsa yona mo go dirisaneng mmogo ga setšhaba le go boloka setso. Mo tlhotlhomisong e, go fitlhetswe gore ka nako ya tepo ya mo phaposiborutelong, barutabana botlhe ba ne ba dirisa puotswakanyo le puothefosano fa ba ne ba ruta. Barutabana le barutwana mo mabakeng a mangwe, ba ne ba dirisa puo ya Sepitori (Pretoria Sotho) le ditengwana ka nako ya thuto. E nngwe ya diphitlhelelo ke gore bagasi mo seyalemoweng le badiragatsi mo thelevišeneng, ba ne ba dirisa Setswana se se sa kanwang. Go fitlhetswe gape gore ba dirisa maadingwa le fa go na le mareo a Setswana a mafoko ao.
Degree
thesis:*- Grantor dc:publisher
- University of Pretoria
- Year dc:date.issued
- 2024
Author and committee
dc:creator, dc:contributor.*- Advisor dc:contributor.advisor
-
- Makgabo, Mmamoyahabo Constance
Subjects
dc:subject × 7Rights
dc:rights- Statement dc:rights
-
- © 2024 University of Pretoria. All rights reserved. The copyright in this work vests in the University of Pretoria. No part of this work may be reproduced or transmitted in any form or by any means, without the prior written permission of the University of Pretoria.
- Language dc:language.iso
- other
Identifiers
dc:identifier.*- Dc Identifier Other
- S2025
- OAI identifier oai:identifier
- oai:repository.up.ac.za:2263/102173